KA R60 Se Tswana PGB 2011

User Manual: KA-R60

Open the PDF directly: View PDF PDF.
Page Count: 2

1
A Peoples Guide | A People’s Guide | A Peoples Guide | A People’s Guide | A Peoples Guide | A People’s Guide | A People’s Guide | A Peoples Guide | A People’s Guide | A Peoples Guide | A People’s Guide | A Peoples Guide | A People’s Guide | A Peoples Guide | A
National Treasury
Department:
REPUBLIC OF SOUTH AFRICA
national treasury
Issued by National Treasury, Private Bag X115, Pretoria,0001
Enquiries: Communications, Tel: (012) 315 5757, www.treasury.gov.za
Ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga mongwe le mongwe Letona la Matlotlo le rebola lenaneo la puso la go dirisa madi, matlole le kadimo dingwageng tse tharo tse di latelang.
Seno se bidiwa Tekanyetsokabo ya setšhaba. Tekanyetsokabo ya sešthaba e tlhalosa mokgwa o madi a puso e a boneng a tlileng go arogangwa ka teng mo mafapheng a bosetšhaba,
diporofinsi le dipusoselegae.
MMUSO O ABA DIBILIYONE GO
THLOLA DITIRO
Mmuso o tlile go aba dibiliyone tsa diranta mo dingwageng tse tharo tse di tlang go tlhola ditiro segolo setona
go batho ba batšha ba bontsi ba bona ba tlhokang ditiro.
Madi a mmuso o tlileng go a
aba a oketsa mo godimo ga
madi a a se tseng a betswe thoko a
dibiliyone di le 809 go aga mebila,
matamo, mafaratlhatlha a motlakase le
boemela-dikepe le diporo tsa terene.
Mmuso o tlile go oketsa ditsela tsa go
tlhola ditiro tsa nakwana ka go tsenya
diranta di le dibiliyone tse di 70 mmogo
le lenaneo la ditiro tsa setšhaba.
“Re dirile 2011 ngwaga wa go tlhola ditiro
ka tlhabololo ya ikonomi e e nang le
boleng go akaretsa le kgolo e e akaretsang
botlhe, go rialo Moporesidente Jacob
Zuma mopuong ya gagwe ya maemo a
setšhaba. “Re rotloetsa mafapha otlhe a
kgwebo go dira ka natla go tlhola ditiro.
Fa mongwe le mongwe a dira bonnye re
tlile go atlega.
Moporesidente Zuma o begile gape gore
thebollo ya diranta di le dibiliyone di le 9
go tlhola ditiro. Madi a a tlile go diriswa mo
diporojekeng tsa go tlhola ditiro segolo
tse di ka neyang batšha tshono ya ditiro.
Mekgatlho ya kgwebo, puso le mekgatlho
e e seng ya puso ba tlile go rebolelwa
madi a. Mmuso o solofela gore ditiro di le
50 000 go ya go 100 000 di tla tlholega mo
dingwageng tse tharo tse di tlang.
Go feta fa, dibiliyone di le 5 tsa diranta di
tla diriswa go thusana le maitlhomo a go
tlhola ditiro tsa batho ba batšha. Se ke
go thusa bathapi go thapa batšha bao
ba senang maitemogelo a tiro. Gape
se se tla thusa gore batšha ba bone
bobotlana ba madi. Maitemogelo ao
batla a bonang a tla thusa gore ba bone
ditiro tsa leruri.
“Go dira ga se fela go amogela moputso
– go dira gore motho a nne le seriti, a
kgone go ikemela, a nne le katlego le
go dira dilo sešwa. Go dira gore palo
ya batho ba ba leng mokgwebong ke
moko wa mananeo a mmuso, go rialo
Letona la Matlotlo Pravin Gordhan.
Go lekangwa gore halofo ya batšha
ba ba leng kwatlase ga dingwaga di
le 25 e bile ba ka kgona go dira ba ne
ba sa thapiwa ka ngwaga wa 2010.
Maikaelelo a mmuso ke gore madi a a
dirisiwe go tshegetsa bao ba tlholang
ditiro. Go lebeletswe gore ditiro di ka
nna 178 000 di tla bonwa.
Mmuso o solofetse go thusa go oketsa
ditiro ka go tlhola letlotlo la go rotloetsa
botlhagisi ba dithoto. Lenaneo le le tlile go
thusa bo rrakgwebo go tlhabolola ditsela
tsa go dira, go fokotsa madi a a jalwang
go tlhagisa le go dira ka matsetseleko.
Tlhabololo e e tla tlhoka gore badiri ba
rupellwe gore ba nne diphatsa mo tirong
ya bona.
Ditiro tse di tlileng go tlholwa ke go aga
le go tlhabolola dikago tsa kgale di tlile
go thusa go tlhabolola ikonomi le go
thusa gore e gole sentle. Ikonomi e e
golang ka bonako e ka thusa go tlhola
ditiro mo isagong.
Ka mananeo a, mmuso o ikaeletse go
fokotsa botlhoka-tiro mo lefatsheng la
rona le go tlhabolola maemo a bophelo
a baagi botlhe.
3
Mmuso o solofetse go thusa go oketsa
ditiro ka go tlhola letlotlo la go rotloetsa
botlhagisi ba dithoto.
Kaelo go Setšhaba
SETSWANA
4
Dintlha-kgolo tsa
tekanyetsokabo
2011
MAITLHOMO A MANTSWHA A GO
THLABOLOLA BOLENG JWA THUTO
Thuto e kwa godimo mo dilong tse mmuso o
ikaeletseng go di dira. Mo puong ya gagwe ya
setšhaba mono ngwaga Moporesidente Zuma o
rebotse dilo di le tharo tse di botlhokwa mo thutong.
Tsona ke barutabana, dibuka le nako. Gore thuto e
tlhabologe puso e tshwanetse go aba madi.
Mo dingwageng tse di fetileng thuto e ne ya bona
madi a a kwa godimo. Le mono ngwaga go ntse go
le jalo. Mmuso o lemoga gore go fokotsa botlhoka-
tiro le bohumanegi setšhaba se tlhoka batho ba ba
rutegileng. Ga batho ba na le thuto ba kgona go bona
tiro, ba itlamele mmogo le malapa a bona mme e bile
ba kgona go tlhabolola boleng jwa maphelo a bona.
Dibiliyone di le R8.2 di tlile go dirisiwa go aga dikolo.
Barutwana ba ba se nang mafelo a go rutwa a a
siameng ba bona thuto e e kwa tlase mme mmuso
o ikaeletse gore barutwana botlhe ba bone thuto ya
maemo a a kwa godimo mo dikolong tse di siameng.
Madi a tla abiwa ka tsela e e latelang:
Dimiliyone di le R596 di tla dirisetswa dibasari
tsa Funza Lushaka mo dingwageng tse tharo
tse di latelang go neelana ka dibasari di kanna
15 217 tsa go ithutela borutabana pele ga
ngwaga wa 2013.
Dibiliyone di le R3.6 go oketsa madi-kadimo le
dibasari tsa National Student Financial Aid Scheme
Go rotloetsa dipalo tsa barutwana kwa
dikholetšheng tsa FET dibiliyone di le R1.4 di tla
oketsa madi a go tlamela baithuti modingwageng
tse tharo tse di latelang
Dibasari tsa puso tsa go tlamela dikholetšhe tsa FET
di tla oketswa ka dibiliyone di le R3.9
Batho botlhe ba tshwanetse go thusa go tsweletsa
thuto kwa pele. Mmuso o ka se kgone go dira se
kwantle ga thuso ya batho. Barutwana, batsadi,
setšhaba le borrakgwebo ba tshwanetse go tsenya
seatla go lere katlego.
Go tlhabolola boleng jwa bophelo mo Afrika-
Borwa ke selo se se kwa godimo mo maitlhomong
a mmuso o o ikaeletseng gore botlhe ba nne le
bophelo jo boleele. Tekanyetso-kabo ya 2011 e abela
maphelo dibiliyone di le R360.6 mo dingwageng tse
tharo tse di latelang.
Mmuso o batla go netefatsa gore go na le katlatlelo-
loaga e e akaretsang Inshorense ya Maphelo ya
Setshaba(National Health Insurance). Go le gontsi go
setse go dirilwe mme NHI e tla rebolwa mo dingwageng
tse 14 tse di tlang.
Kgato e e isang go NHI ke go simolola go tlhabolola
tsa maphelo tse di kwa tlase. Ditirelo tse di tla leka go
thusa gore batho ba seke ba bobola go na le gore
batho ba fodisiwe ba setse ba bobola. Go atlega mo
maitlhomong a diranta di le dibiliyone di le 1.2 di tla
dirisiwa go tlhoma ditlhotshwana tsa maphelo tse di
akaretsang baoki, dingaka le badiredi ba tsa maphelo
ba ba tla tlhokomelang malapa ko ba nnang. Madi
a a tlile go dirisiwa gape go tlhabolola maokelo a go
tlhokomela batho.
Dimiliyone di le R8 di abetswe lefapha la pholo ho thusa NHI
le biliyone di le R1.7 di tla dirisetswa ho aga mafelo a pholo.
Maitlhomo a mmuso a go lwantsha HIV le Aids a ntse a
tswelela pele. Madi a a dibiliyone di le R2.5 a abetswe go
oketsa go diteko tsa HIV le go atolosa nako ya batho ya
go bona melemo ya go leka go alafa Aids (antiretrovals).
Palo ya batho ba ba bonang kalafi ya di ARV e tlile go
oketsega go tloga go dimiliyone di le R1.2 ka 2010/11
go ya go dimiliyone di le R2.6 ka 2013/14.
Ditirelo tsa bomme le bana di tlile go tlhabololwa.
Dibiliyone di le 1.4 tsa diranta di abetswe go katisa
baoki le babelegisi ba le 400, go tlhabolola tsa maphelo
kwa dikolong le go tlhabolola ditirelo tsa bomme le
bana kwa maokelong a didika.
Madi a dibiliyone di le 2.7 tsa diranta a abetswe go
tlhabolola tsa maphelo le didiriswa tsa maphelo naga
ya rona ka bophara.
Diphetogo mo tekanyetsokabong mo
dingwageng tse tharo tse dilatelang:
MaDi a tla Diriswa
R10 biliyone go tlhola ditiro, dikgwebo potlana le
ditiro tsa batšha
R9.5 biliyone go oketsa baithuti kwa dikholetšheng
tsa FET le bokgoni ba go dira
R8.2 biliyone e beetswe go tlhabolola dikolo le di
diriswa tsa thuto
R7.9 biliyone e beetswe go tlhabolola ditirelo tsa
bomme le bana, maokelo le go lwantsha HIV le AIDS
R10.4 biliyone go tlhabolola dipalangwa tsa
botlhe, le go aga mafaratlhatlha a ditsela le diporo
R7.2 biliyone e tla thusa go tlhabolola kago ya
matlu, ditirelo tsa masepala le mafaratlhatlha a
metsi
R2.8 biliyone e beetswe go tlhabolola magae le go
thusa balemi ba ba se nang maitemogelo
R8.9 biliyone e tla abelwa madi a katlatleloago go
bana, ba ba sa itekanelang le batsofe
Phenshene ya batsofe le ba ba sa itekanelang e tla
oketsega ka R60 go nna R1 140 ka kgwedi mme
madi a go tlamela bana a tla oketsega go nna
R260 ka Moranang le R270 ka Diphalane
R1.8 biliyone e tla nelwa bomasepala le diporonsi
go thusa bao ba wetseng mo dipharagobeng ka
ntlha ya merwalela ya maloba
THLABOLLO YA BOLENG JWA PHOLO YA MA AFRIKA BORWA
Feb 2011
TSA LEKGETHO
Batho ba tla bona phokotso ya lekgetho ka R8.1
biliyone
Madi a a senang lekgetho ga motho a rola tiro a
tlile go okediwa go tloga go R300 000 go ya go
R315 000
Pakana ya disekerete di le 20 e tla oketswa ka 80c
Lebotlolo la 750ml la digalagala (spirits) le tla bitsa
kwa godimo ka R2.73
Litara ya morara e tla bitsa disente di le 30 go feta
Bolekana ba biri ba 340ml botla tlhatlhoga ka
disente dile 6 mme bolekana ba di-cider ba 340ml
bo tla tlatlhoga ka 6c.
Lekgetho le tla duelwa mo mading a a fetang
R25 000 a a fentsweng mo metshamekong ya go
iteka lesego (gambling)
Lekgetho mo mafureng le tla oketsega ka 10c
mme madi a go tlamela batswa-setlhabelo mo
dikotsing a tla oketswa ka 8c
TSHIRELETSO
R38.4 bn
PHOLO
R112.6 bn
TSE DINGWE
R144.3 bn
IKONOMI
R130.5 bn
MOLAO LE TOLAMO
R90.9 bn
MATLO LE GO REPA
R121.9 bn
KATLAATLELOLOAGO
R146.9 bn
THUTO
R189.5 bn
MADI A KATLAATLELOLOAGO
2010/11 2011/12
Phenshene ya batsofe 1 080 1 140
Madi a go tlamela ba ba sa
itekanelang 1 080 1 140
Madi a go tlamela bana 250 270
Madi a go tlamela bana ba
ba se nang batsadi 710 740
Madi a go thusa ba o ba
ikaegileng 1 080 1 140
Madi a go tshegetsa masole
a maloba 1 100 1 160

Navigation menu